Modimo o re file tsholofetso ya tlhatlogo go tsweng mo ditiragalong tsa Baebele tse di bolelang gore Jeso O ne a tlhatlogela kwa Legodimong mo dingwageng tse dikete tse pedi tse di fetileng,— e leng yone tsholofelo e e tshelang ya gore re tla fetolwa ka maatla a Modimo mme ra kopana le Morena mo phefong.
Enoko o ne a tsamaya le Modimo ka nako tsotlhe, mme a ya Legodimong a tshela, a lemogilwe e le mongwe yo o itumedisitseng Modimo. Noa le ene o tsamaile le Modimo ka nako tsotlhe, ebile o ne a bolokiwa mo kotlhaong ya metsi. Elisha o ne a sala Elia morago go fitlhelela—ka letsatsi la fa Elia a tlhatlogela kwa Legodimong mme a tsaya tiro morago ga gagwe e le moporofeta.
Letsatsi leno, phuthego ya Kereke ya Modimo e tshela botshelo jwa go sokologa ka go itumedisa Modimo, e tsamaya le Rraetsho Ahnsahnghong mmogo le Modimo Mmaetsho mo tseleng ya thero Efangedi ka tsholofelo ya tlhatlogo.
Ke ka tumelo Henoge a tlositsweng gore a se bone loso...a newa tshupo ya gore o kgatlhile Modimo. Bahebere 11:5
119 Bundang P.O.Box, Bundang-gu, Seongnam-si, Gyeonggi-do, Rep. of KOREA
Tel 031-738-5999 Fax 031-738-5998
Head Office: 50, Sunae-ro, Bundang-gu, Seongnam-si, Gyeonggi-do, Rep. of Korea
Main Church: 35, Pangyoyeok-ro, Bundang-gu, Seongnam-si, Gyeonggi-do, Rep. of Korea
ⓒ World Mission Society Church of God. All rights reserved. Privacy Policy