Modimo O ne A laela Moshe go aga taberenakele go baya Melao e Lesome ya Bobedi mo teng. Fa batho ba lemoga sebe sa bone se se feletseng ka go thuba Melao e Lesome ya ntlha, ba ne ba ikotlhaya ba bo ba tlisa didirisiwa tsa go aga taberenakele. Se e ne ya nna ditso tsa Moletlo wa Metlaagana. Morago ga moo, ba ne ba aga metlaagana fa pele ga tempele kana fa godimo ga tempele ka go dirisa dikala tsa ditlhare ka mefuta.
Moletlo wa Metlaagana ke letsatsi le Keresete Ahnsahnghong le Modimo Mmaetsho ba kgobokanyang batho ba Bone botlhe. Batho botlhe ba tshwanetse go leboga Modimo Yo O ba itshwaretseng A bo A ba boloka mo dibeng tsa bone. Ebile ka Mowa o o Boitshepo wa letlhafula o ba o amogetseng, ba tshwanetse go batla maloko otlhe a lelwapa la legodimo lefatshe ka bophara, ba e leng didirisiwa tsa Tempele ya Jerusalema ya Legodimo.
Ke ka moo Morena , Modimo wa masomosomo, a buang jaana a re: “E re ka ba buile lefoko leo, bona, ke tla dira mafoko a me a a mo molomong wa gago molelo le morafe o dikgong, mme o tla ba nyeletsa.
Jeremia 5:14
. . . yo kago yotlhe e kopanngwang sentle mo go ene, e ntse e gola go nna tempele e e boitshepo mo Moreneng, yo le lona lo agiwang mo go ene le ba bangwe go nna boago jwa Modimo mo Moweng
Baefeso 2:19–22
119 Bundang P.O.Box, Bundang-gu, Seongnam-si, Gyeonggi-do, Rep. of KOREA
Tel 031-738-5999 Fax 031-738-5998
Head Office: 50, Sunae-ro, Bundang-gu, Seongnam-si, Gyeonggi-do, Rep. of Korea
Main Church: 35, Pangyoyeok-ro, Bundang-gu, Seongnam-si, Gyeonggi-do, Rep. of Korea
ⓒ World Mission Society Church of God. All rights reserved. Privacy Policy